Go bereka jang?

01
Itirele dipatlisio tsa gago tsa maranyane a inthanete
Thulaganyo ya Surveyfiesta® e motlhofo go e dirisa, ebile e nale ditemana tse di ka go kaelang go ya pele. O nale sebaka sa go ka kopolola dipatlisiso tse di setseng di diretswe ruri, ebe o ipaakanyetsa kgotsa go tseleganya go ya ka keletso ya gago. Dipatlisiso tsa rona tse di diretsweng ruri kgotsa thempoleite di tlhofofaditswe tiriso go go kgontsha go ka bapatsa leinakgwebo la gago ka mokgwa oo maleba.

02
Kgobokanya megopolo/ditsiboso go tswa maranyaneng mangwe le mangwe
Go romelela dipatlisiso tsa gago kwa go ba ba maleba, go ka diragala ka tiriso ya thulaganyo ya Surveyfiesta® kgotsa o nale sebaka sa go dirisa maranye ape fela go romella melaetsa ka maranyane a email. Thulaganyo ya Surveyfiesta® gape e kgona go go fa sebaka sa go gokaganya le metswedi ee farolganyeng ya maranyane a mangwe a inthanete go romela dipatlisiso tsa gago.

03
Bona Maduo ka yone nako e
Thulaganyo ya Surveyfiesta® e kgona go itirisa go go fa dipego tse di bofefo tsa ka fa dipatlisiso tsa gago di tsweletseng ka teng gammogo le dikitso tse e kgonneng go di boloka/go di kgobokanya. Dipego tsa rona di dirilwe ka maemo aa letlang gore maduo a dipatlisiso a bonagale ka bofefo le go go thusa go tswelela pele mo pegong ya ditshekatshekong tsa gago. Dikitso tsa dipego tse di kgona go tseleganngwa le go anamisega motlhofo.
Simolola
Lekeletsa lenaneo la mahala la ikwadiso go itse botoka ka ditemana tse di leng teng mo thulaganyong ya Surveyfiesta®
Kopo ya ditshupetsoDitema tse di botlhokwa tsa thulaganyo

Dithempeleite tsa dipatlisiso tse di diretsweng ruri
Re go fa dithempeleite gore o kgone go itirela dipatlisiso tse di tsamaelanang le leinakgwebo la gago go ya ka keletso ya gago.
Bona tshedimosetso ya tiro ya gago
Laola go ya ka keletso ya gago diprojeke tse o di weditseng. O kgona go di boloka ka thulaganyo ya Surveyfiesta® kgotsa go di sutha gotlhelele. O nale taolo ya dikitso tsotlhe tsa ditshekatsheko le tshedimoso ya gago.
Kgolaganyo le metswedi ya Maranyane a inthanete
Lenaneo la Surveyfiesta® le lomaganya le metswedi ya maranyane a internet aa tumileng gore o kgone go anamisa melaetsa ya gago le dipalo tsa batho tse dintsi tse di dirisang maranyane a.
Lebelela Dipego
Dirisa tema ee bonolo ee phuthang dipego gore o bone maduo a dipatlisiso tsa gago motlhofo.
Bona Maduo ka yone nako e
Thulaganyo ya Surveyfiesta® e go fa maduo a nako yone eo, gore ditshekatsheko tsa gago di tsamaya jang, gammogo le go go fa ditema tse o ka di dirisang go romela ba o dirang le bone melaetsa le ditsiboso.
Thotoetso ya tsa thuto
Ditshekatsheko tsa thuto tse di dirilweng le makalana a thuto aa rurifaditsweng di kgona go atlolosetswa ditema go thusa go di nonotsha lego feta. Ditema tse di akaretsa gareng ga tse dingwe; dipego tse di tlhomamisitsweng go ya ka boleng jo bo kwa godimo jwa go dira ditshekatsheko ,dikaedi tsa go bopa dipotso tsa dipatlisiso,gammogo le dikitso ka go seka-seka ditshedimosetso tsa ditshekatsheko le tse dingwe. O kgona go nna gape le sebaka sa go kopana le bangwe ka wena ba ba dirang ditshekatsheko gore le kgone go amogana dikitso le maele.
Bokopano jwa thuto
Fa godimo ga thotoetso ee fiwang ba ba dirang ditshekatsheko tsa thuto, re ba fa gape sebaka sa go tshwara bokopano jwa maranyane a ditlhaeletsano go ba tlhofofaletsa go rulaganyetsa mediro, go laola botoka thulaganyo ya go ikwadisa ga baithuti, go boloka/kgobokanya dikitso tsa dipego le ditshekatsheko, fela jaalo.